Home / JCE / Setswana

JCE Setswana

Bokgoni jwa puo, tlhamo le puo. Topic notes below are placeholders — swap in your own content topic by topic.

Topic 1

Bokgoni jwa Puo

Lesson 1: Ditaelo, Dikaedi le Ditlhaloso

Ditaelo ke tshedimosetso e e fiwang motho go mo bolelela gore a dire eng le gore a se dire jang, go netefatsa gore o dira dilo ka fa tshwanelong. Dikaedi tsone di kaela motho tsela ya go fitlha kwa lefelong le le rileng, jaaka matshwao a tsela kana diroboto. Ditlhaloso di bolelela motho gore selo se bereka jang, se dirisiwa jang, kana ke eng se ntse jaaka se ntse.

Ditaelo, dikaedi le ditlhaloso di ka fitlha ka ditsela tse di farologaneng: ka molomo, ka mokwalo, kana ka ditshwantsho (matshwao a hazad, dipone tsa mosepele, ditshwantsho mo mephuthelwaneng ya dijo, jalo jalo).

Go farologanya tse tharo

  • Taelo — e go bolelela gore o dire eng (e.g. ‘tsenya letswai le le lekanetseng’)
  • Kaedi — e go kaela tsela ya go ya kwa lefelong (e.g. matshwao a tsela, mmepe)
  • Tlhaloso — e go bolelela gore selo se bereka jang kana se dirisiwa jang (e.g. tlhaloso ya go dirisa molemo)

Go sala ditaelo, dikaedi le ditlhaloso morago go botlhokwa fela thata ka go: fokotsa ketsaetsego (go tila diphatsa fa o dirisa sengwe kana o ya kwa lefelong lengwe), somarela nako (o sa tlhoke go ema o akanya kana o botsa), thibela dikotsi (mo lwapeng, kwa ditirong kana mo ditseleng), le go tshomarela sedirisiwa gore se se senyege kana botshelo jwa sone bo fokotsege.

Sekai Molemo o o tshasiwang o kwadilwe jaana: “O tshasiwa fela fa kgobalong, gararo ka letsatsi.” Fa motho a ka o tshasa gararo ka letsatsi mme a o dirisa gape mo teng ga letsatsi le lengwe (go feta selekanyo), a ka gakalelwa ke molemo oo, kgotsa a lwale ka ntlha ya go sa sala ditaelo tsa gagwe morago.

Lesson 2: Dintlhakgolo le Dintlha tsa Tlaleletso; Nnete le Kabelelo

Ntlhakgolo ke yone pelo kana modi wa kgang — ntlha e e tshwereng bokao jo bo akaretsang jwa temana kana palo. Dintlha tsa tlaleletso ke dintlha tse di atolosang le go tlaleletsa ntlhakgolo, gantsi ka go fa mabaka kana dikai. Go senola ntlhakgolo go tshwana le go khutshwafatsa kgang; dintlha tsa tlaleletso tsone di e tlhalosa ka botlalo.

Fa go bua kana go kwala, megopolo e ka nna ya nnete kana ya kabelelo. Nnete ke kgang e e tlhomamisitsweng, e e nang le bosupi jo bo ka se ganediweng (jaaka se se boneng ke mapodise, kana kitso e mongwe le mongwe a nang le yone). Kabelelo ke kgang e e sa netefadiwang, e e akanngwang fela go sena bosupi jo bo tsepameng.

Mafoko a a supang kabelelo

  • go lebega • go bonala • ke akanya • ke belaela • e kete • motlhamongwe • gongwe • go tshwanetse ga bo
  • Fa polelo e simolola ka mafoko a, tota e supa gore mmui ga a na bosupi jo bo tsepameng — a bo a abelela fela
  • Nnete e tla e sena mafoko a a belaelang — e bolela fela se se diragetseng kana se se itsegeng

Lesson 3: Thulaganyo ya Palo le Kutlwisiso

Palo e e siameng e tshwanetse go nna le ditemana tse di tlhomaganneng ka tatelano e e lolameng: temana ya matseno (e ngokang tlhagiso ya kgang), ditemana tsa mmele/tsweletso (tse di atolosang ntlha e le nngwe ka temana nngwe le nngwe), le temana ya bokhutlo/konelo (e e sobokang kgang).

Temana nngwe le nngwe e agiwa ka mefuta e meraro ya diele: seele sa tlhogo (se se rweleng bokao jwa temana, gantsi kwa tshimologong), diele tsa tsweletso (tse di tlaleletsang seele sa tlhogo ka mabaka kana dikai), le seele sa konelo (se se konelang mogopolo wa temana).

Kutlwisiso ke teko-tlhaloganyo ya se se balwang kana se se reeditsweng. Dipotso tsa kutlwisiso di ka nna: tsa kgang e e buiwang ke palo (leng, kae, ke bomang, jang), tsa go tlhalosa mafoko a a bofitlha, kana tsa go ntsha mogopolo wa gago ka boitirelo.

Ditsela tsa go araba kutlwisiso sentle

  • Bala palo go feta gangwe pele o araba
  • Tlhaloganya taelo pele o araba potso
  • Dirisa dikarolo tsa puo le paka e e dirisitsweng mo palong — o seka wa e fetola
  • Ela tlhoko matshwao a potso — a supa gore o tshwanetse go arabe go le kae

Lesson 4: Puisano le Pego

Puisano ke mokgwa wa go amogana mafoko fa gare ga batho ba babedi kgotsa go feta, ka kgang e e itlhophetsweng. Dintlha tsa botlhokwa tsa puisano: babuisani ba neelana sebaka sa go bua (ga ba bue botlhe ka nako e le nngwe), puisano e nna le moono o le mongwe (kgang e babuisani ba e lebaganeng le yone), le puo e e amogelesegang e e tlhotlhilweng.

Pego ke go fetisa kgang kana go rolela motho/batho mafoko ka tiragalo e o e boneng, e o e utlwileng, kana e o e badileng. Go na le mefuta e meraro ya dipego: pego ya bobegadikgang, pego ya sepodise, le pego ya morago ga dipatlisiso.

Pego e tshwanetse go nna le dikarolo tse: setlhogo (se lemotshang babadi gore pego e bua ka eng), matseno (a sedimosang gore mmegi ke mang le maikaelelo a pego), mmele (o atolosang dintlha tsa pego ka botlalo), le bokhutlo (tshwetso ya mmegi, kana setlhano sa gagwe fa e le pego ya sepodise).

Lesson 5: Go Tsaya Dintlha

Go tsaya dintlha ke go kwala dikgang tsa botlhokwa ka bokhutshwane, fa o ntse o reeditse kana o bala, gore o tle o kgone go di ikgakolola motlhofo moragonyana. Se se botlhokwa segolobogolo mo go ipaakanyetseng ditlhatlhobo, mo boranoding, mo dipuisanong le mo go kwaleng dipego.

Ditsela tse di tlwaelesegileng tsa go tsaya dintlha: khutshwafatso ya mafoko (ditlhaka-kemedi jaaka j.k = jaaka), go tsaya ntlha ka ntlha, go tsaya ditlhogo le ditlhogwana, le go dirisa ditheibole go farologanya le go tshwantsha dintlha.

Dikgato tsa go tsaya dintlha sentle

  • Elelela dintlha tsa konokono fa o reeditse kana o bala ka kelotlhoko
  • Kwala dintlha ka tatelano e e lolameng, ka bokhutshwane
  • Boelela dintlha tsa gago go netefatsa tlhomamo ya tsone
  • Atolosa dintlha fela morago ga o di tlhomamisitse, go aga kgang e e feletseng

Topic 2

Dikarolo tsa Puo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 3

Popo ya Puo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 4

Maleme a Puo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 5

Tiriso ya Puo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 6

Tshekatsheko ya Tlhamo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 7

Le Phirimela go Tlhaba

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 8

Boswa

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 9

Poko

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 10

Tlhamo ya Setso

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 11

Tsa Ngwao

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 12

Dikhutshwe tsa Leruarua

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Flashcards

Key Terms

TermTaelo
DefinitionTshedimosetso e e bolelelang motho gore a dire eng le gore a se dire jang.
TermKaedi
DefinitionTshedimosetso e e kaelang motho tsela ya go fitlha kwa lefelong le le rileng.
TermTlhaloso
DefinitionTshedimosetso e e bolelelang gore selo se bereka jang kana se dirisiwa jang.
TermNtlhakgolo
DefinitionPelo kana modi wa kgang — ntlha e e tshwereng bokao jo bo akaretsang jwa temana kana palo.
TermDintlha tsa tlaleletso
DefinitionDintlha tse di atolosang le go tlhalosa ntlhakgolo ka botlalo, gantsi ka mabaka kana dikai.
TermNnete
DefinitionKgang e e tlhomamisitsweng, e e nang le bosupi jo bo ka se ganediweng.
TermKabelelo
DefinitionKgang e e sa netefadiwang, e e akanngwang fela go sena bosupi jo bo tsepameng.
TermSeele sa tlhogo
DefinitionSeele se se rweleng bokao jwa temana, gantsi se le kwa tshimologong ya yone.
TermSeele sa konelo
DefinitionSeele se se sobokang mogopolo o o tlhagisitsweng ke seele sa tlhogo.
TermKutlwisiso
DefinitionTeko-tlhaloganyo ya se se balwang kana se se reeditsweng.
TermPuisano
DefinitionMokgwa wa go amogana mafoko fa gare ga batho ba babedi kgotsa go feta, ka kgang e le nngwe.
TermPego
DefinitionGo fetisa kgang kana go rolela motho/batho mafoko ka tiragalo e o e boneng, e o e utlwileng, kana e o e badileng.
TermLeina
DefinitionLefoko le le bitsang sengwe, e.g. moruti, sekole, kgomo.
TermLeemedi
DefinitionLefoko le le emelang leina mo seeleng, e.g. ene, bone, jone.
TermLediri
DefinitionLefoko le le supang tiro e e dirwang kana e e diragalang.
TermTlhaodi
DefinitionLefoko le le tlhaolang leina mo go a mangwe, e.g. yo montsho.
TermLetlhalosi
DefinitionLefoko le le tlhalosang nako, lefelo kana mokgwa.
TermLekopanyi
DefinitionLefoko le le kopanyang diele kana dikarolo tsa puo, e.g. mme, gobane, kana.
TermLeetsisi
DefinitionLefoko le le etsang modumo, tebego kana tiragalo ya selo.
TermLelatlhelwa
DefinitionLefoko le le tsibosang motho, le dirisiwa le letshwao la kgakgamalo (!).
TermSediri
DefinitionTlhogo ya seele — se se dirang tiro e e supiwang mo seeleng.
TermSedirwa
DefinitionSe tiro e dirwang mo go sone, se sala tiri morago.
TermNgotlo
DefinitionBonnye jwa sengwe, kana go nyenyefatsa sengwe, e bopiwa ka mogatlana jaaka -ana/-nyana.
TermMogatlana
DefinitionSekgaoganyi se se gokelelwang mo lefokong go bopa ngotlo, e.g. -ana, -nyana, -nyane, -ane.
TermPolelo
DefinitionTlhamo e e rulagantsweng sentle ka ditemana tse di nang le megopolo e e neelanang.
TermTemana ya matseno
DefinitionTemana e e simololang polelo, e tlhaba mmadi podimatseba mme e nne le kgogedi.
TermTemana ya bokhutlo
DefinitionTemana e e sobokanyang kgang, e ka ntsha maikutlo, e gatelela, e rotloetsa kana e tlhagisa.
TermPolelo ya tlhaloso
DefinitionPolelo e mokwadi a agelang mmadi setshwantsho ka mafoko, mmadi a ipone a le teng.
TermPolelo ya nnete
DefinitionPolelo e e remeletseng mo dintlheng tsa boammaruri jo bo netefadiwang.
TermPolelo ya ngangisano
DefinitionPolelo e mokwadi a tlhophang letlhakore le le lengwe mo go a mabedi a a sa dumalaneng, a a fa mabaka.
TermPolelo ya seemo
DefinitionPolelo e mokwadi a tlhalosang seemo sengwe gore mmadi a nne mo maemong a go se tlhaloganya.
TermPolelo ya totlego
DefinitionPolelo e nang le tshimologo, tswelelo le bokhutlo jwa tiragalo, e ka tswa e le nnete kgotsa e se nnete.
TermLesupafelo
DefinitionAterese ya mokwadi e kwalwang kwa godimong ga lekwalo.
TermLekwalo la botsalano
DefinitionLekwalo le le kwalelwang batho o ba tsalanang le bone, le na le lesupafelo le le lengwe fela.
TermLekwalo la semmuso
DefinitionLekwalo le le sa lotologeng, le na le masupafelo a mabedi, le kwalwang go kopa tiro, go ngongorega, jalo jalo.
TermGo fetola lekwalo
DefinitionGo busa phetolo ya lekwalo (e seng go le ranola), o araba dintlha tse di boditsweng mo go lone.
TermPaka
DefinitionNako e tiro kana tiragalo e diragalang ka yone, e lemogwa ka lebopi la lediri.
TermLebopi
DefinitionSetlhaka kana ditlhaka tse di gokelelwang mo lediring go supa paka, e.g. [ne], [tlaa], [sa ntse].
TermPaka pheti
DefinitionPaka e e supang gore tiragalo e diragetse, e lemogwa ka lebopi [-ile] (kgotsa -etse/-itse).
TermPaka tsweletso
DefinitionPaka e e supang gore tiragalo e ne/e/e tlaa nna e tsweletse e diragala, e lemogwa ka lebopi [sa ntse].
TermMoalo
DefinitionMokwalo o o khutshwafaditsweng o o dirisang mola le kolomo go tlhagisa dintlha ka bofefo.
TermKerafo
DefinitionMokgwa wa go supa dipalopalo ka ditshwantsho go na le mafoko a mantsi.
TermIpapatso
DefinitionTsela e bagwebi ba e dirisang go abelana melaetsa le baji-bareki ka dithoto/ditirelo tsa bone.
TermKgogedi (ipapatso)
DefinitionBokgatlhi jwa puo ya ipapatso jo bo dirang gore batho ba raelesege go reka.
TermDifomo
DefinitionDidirisiwa tse ka tsone go batliwang kitso ka motho ka go mo botsa dipotso a bo a di tlatsa.
TermLesupafelo (fomo)
DefinitionAterese ya motho e e kwalwang mo fomong kana lekwalong.
TermPuo ya tlhwaafalo
DefinitionPuo e e dirisiwang ka thekegelo le tlotlo, e dirisiwa mo mafelong a a tlhwaafetseng jaaka kgotla, palamente.
TermPuo e e bofitlha
DefinitionPuo e e batlang gore mmadi a akanyetse kwa teng, ka bokao bo fitlhegile, e.g. diane, maele, dikapuo.
TermTshwantshanyo
DefinitionSekapuo se dilo di tshwantshanngwang le tse dingwe ka lekopanyi, e.g. jaaka, e kare.
TermMothofatso
DefinitionSekapuo se selo se e seng motho se fiwang maemo/ditiro tsa setho.
TermKobiso
DefinitionGo bua go kgatlhanong le se se tewang, e.g. "a bo o le montle" go raya maswe.
TermNgangisano
DefinitionMokgwa o ditlhopha tse pedi ba lebisanang mabaka a a ganetsanang ka teng.
TermDintlha tsa botlhokwa (ngangisano)
DefinitionMegopolo ya konokono e e maleba le setlhogo sa ngangisano.
TermThanolo
DefinitionGo fetolela se se kwadilweng/se se buiwang go tswa puong nngwe go ya go e nngwe.
TermMoranodi
DefinitionMotho yo o fetolelang puo go tswa go e nngwe go ya go e nngwe.
TermCPU
DefinitionKarolwana ya khomphiutara e e fang ditaelo/tlhaloso le go kaela khomphiutara go diragatsa.
TermE-mail
DefinitionPoso e e romelwang ka boranyane jwa khomphiutara (inthanete).
TermInthanete
DefinitionBoranyane jwa khomphiutara jo bo letlelelang go buisana le batho le go bona kitso lefatshe ka bophara.
TermTsalano ya ditiragalo
DefinitionFa tiragalo e e diragetseng pele e bakile ya bobedi go diragala.
TermSetlhoa
DefinitionFa marara a ditiragalo a rarabologang teng, mmadi a bona karabo ya dipotso tse a neng a di ipotsa.
TermKgotlhang
DefinitionTlhoka-kutlwisisano e e leng teng fa gare ga batho, e mefuta e meraro: motho le motho, motho le tikologo, motho le dikakanyo tsa gagwe.
TermMoanelwa-mogolo
DefinitionPinagare ya padi — ditiragalo tsotlhe di ikaegile ka ene, ke ene a senolang setlhoa le molaetsa.
TermBaanelwa ba ba botlhokwa
DefinitionBa re thusa go lemoga gore moanelwa-mogolo ke motho yo o ntseng jang.
TermPaka ya ditiragalo
DefinitionNako/motlha o ditiragalo di diragalang ka one: segologolo, diphetogo, kgotsa sešwa.
TermLefelo la ditiragalo
DefinitionMofuta wa lefelo ditiragalo di diragalelang teng: motse-selegae, motse-setoropo, kgotsa toropo.
TermMolaetsa
DefinitionThuto e mmadi a e ithutang mo pading, e senolwang gantsi ke moanelwa-mogolo.
TermSebokiwa
DefinitionSe mmoki a buang ka ga sone kana a ntshang maikutlo ka sone mo lebokong.
TermMolaetsa wa leboko
DefinitionThuto e mmoki a batlang go e abelana le bareetsi ba gagwe.
TermMothofatso (poko)
DefinitionGo fa selo se e seng motho maemo/ditiro tsa setho, e.g. noga e a ikuela.
TermKgokagano
DefinitionMokgabisa wa leboko o mafoko a a wetsang mola o o fa godimo e le one a simololang o o latelang.
TermThulaganyo ya ditiragalo
DefinitionTatelano e ditiragalo tsa padi di rulaganngwang ka yone gore mmadi a di tlhaloganye sentle.
TermOnkabetse
DefinitionMoanelwa-mogolo wa padi — ditiragalo tsotlhe di ikaegile ka ene, o senola setlhoa le molaetsa ka boineelo jwa gagwe.
TermNtshiuwa
DefinitionMoanelwa yo o botlhokwa yo o tsietsang Onkabetse ka lefufa, a supa kgotlhang wa motho le motho.
TermBoitumelo le Kelebogile
DefinitionBaanelwa ba ba botlhokwa ba ba nnang ditsala tsa ga Onkabetse, ba mo kgothatsa mo mathateng.
TermThoteng
DefinitionMotse wa gae wa ga Onkabetse, kwa lehuma le mathata a simololang teng.
TermDinokaneng
DefinitionKwa Onkabetse a fudugelang go batla sebaka sa go dira le go ithuta, kwa a kopanang le lelapa la ga Keabetswe.
TermDirepodi
DefinitionMathata a a lekaneng mo padi a a dirang gore mmadi a batle go itse gore go tlaa direga eng.
TermMokgokolosa
DefinitionNtlha e kwa godimo thata ya kgotlhang, e leng gone marara otlhe a rarabologang teng.
TermBoineelo
DefinitionBotho jwa go itshupa o le pelotelele le go tswelela pele le fa go na le mathata — botho jo bo bonwang mo go Onkabetse.
TermFenyagong
DefinitionLefelo la kwa ntle le le supang boemedi jwa katlego e kgolo ya ga Onkabetse kwa bofelong jwa padi.
TermLe Phirimela go Tlhaba
DefinitionSetlhogo/seane se se rayang gore mathata a botshelo ga a nne teng ka bosakhutleng — motho yo o nang le boineelo o tlaa fenya.
TermMogokgo wa sekolo sa bosigo
DefinitionMoanelwa yo o botlhokwa yo o thusang Onkabetse go tswelela ka thuto le fa dilo di le thata.
TermKgosietsile
DefinitionMotshameki-mogolo wa "Boswa" — o batla go ikgagapelela boswa jwa mogoloe, a felela a wetswe ke kgang kwa lekgotleng.
TermMmapula
DefinitionMotshameki yo o botlhokwa — mosadi wa ga Puso yo boswa jwa gagwe bo lwelwang ke Kgosietsile.
TermMotlhagodi
DefinitionMalomaagwe Kgosietsile, motshameki yo o botlhokwa yo o lekang go mo gakolola le go mo tsenya mo tseleng.
TermKgosi Mmualle
DefinitionKgosi ya motse, motshameki yo o botlhokwa yo o rarabololang kgang ya boswa kwa lekgotleng.
TermPuso
DefinitionMogoloe Kgosietsile, monna wa ga Mmapula yo o tlhokafalang a siela mosadi wa gagwe le bana boswa.
TermKgwatlhe
DefinitionMotse-setoropo o ditiragalo tsa "Boswa" di diragalelang teng, o o supang matshelo a segologolo le a sešwa.
TermPaka ya diphetogo
DefinitionPaka e e kopanyang dintlha tsa segologolo le tsa sešwa — ke yone paka ya motshameko wa "Boswa".
TermKgotlhang ya motho le tikologo
DefinitionMofuta wa kgotlhang wa konokono mo "Boswa" — Kgosietsile o gotlhana le tikologo ya gagwe ka boitshwaro jo bo sa amogelweng.
TermDirepodi
DefinitionDitiragalo tse di re gogelang kwa setlhoeng, jaaka go rerisiwa ga malomaagwe le go isiwa ga kgang kwa lekgotleng.
TermMokgokolosa
DefinitionNtlha e kwa godimo thata ya kgotlhang — fa Kgosietsile a bonwang molato mme a atlholwa dithupa.
TermSetlhoa sa "Boswa"
DefinitionFa Kgosi Mmualle a atlhola Kgosietsile ka go nyatsa le go tlhokela Mmapula botho.
TermMolaetsa wa "Boswa"
DefinitionMonna/motho o tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe — go ikaega ka boswa jwa ba bangwe go ka tlisa bopelotshetlha.
TermPoko ya setso
DefinitionPoko ya segologolo e e thathologiwang ka molomo, e sa kwalwe pele, e senang ditemana.
TermPoko ya sešwa
DefinitionPoko e e kwalwang mo pampiring, e sekasekiwa e bo e baakanngwa, e agilwe ka ditemana.
TermSebokiwa
DefinitionSe mmoki a buang ka ga sone kana a ntshang maikutlo ka sone mo lebokong.
TermMolaetsa wa leboko
DefinitionNtlha e mmoki a batlang go e abelana le bareetsi — e senolwa ke setlhogo, mafoko a a boeleditsweng, le maikutlo a mmoki.
TermMaikutlo a mmoki
DefinitionSeemo se mmoki a leng mo go sone fa a boka — a ka nna a itumetse kgotsa a utlwile botlhoko.
TermMoribo
DefinitionMokgwa o lentswe la mmoki le utlwalang le tsamaya ka one fa a boka — le ka tsholetsega kgotsa le nne kwa tlase.
TermTshwantshanyo
DefinitionGo tshwantshanya dilo di le pedi ka lekopanyi (jaaka, e kete, o kare) le mabopi (se-, seka-).
TermTshwantshiso
DefinitionGo bitsa sebokiwa ka leina la selo se se tshwanang le sone, kwa ntle ga lekopanyi.
TermMothofatso
DefinitionGo fa selo se e seng motho maemo/ditiro tsa setho.
TermKgokagano
DefinitionMafoko a a wetsang mola o o fa godimo e le one a simololang mola o o latelang.
TermTepatepano
DefinitionMola wa ntlha le wa bobedi ba simolola ka mafoko a a tshwanang, kgotsa a lebaganeng a tshwana ka bokao.
TermKobiso
DefinitionGo dirisa mafoko a a kgatlhanong le se tota o se rayang.
TermPuo e e bofitlha
DefinitionPuo e e sa tlhamalalang, e e dirisang bokao jo bo fitlhegileng, e akaretsa diane, maele le dikapuo.
TermPuo e e tlhamaletseng
DefinitionPuo e e motlhofo go tlhaloganyesega, motho a raya tota se a se buang.
TermMainane
DefinitionDipolelo tsa Setswana tsa tlholego tse di bolelwang ka molomo, di simolola ka "Ga twe e rile" di fele ka "La bo le fela."
TermMaselamose
DefinitionDitiro tse di gakgamatsang mo mainaneng tse di sa kgoneng go dirwa ke batho ba nama le madi.
TermSeane
DefinitionPuo e e nonneng ya Setswana e e ka nna e e rutang, e gomotsang, e agang botho, kgotsa e rotloetsang tirisano.
TermMaele
DefinitionPuo e e bofitlha e e bapisetsang, gantsi e simolola ka "Go," e sa neng bokao jo bo tletseng fa e sa dirisiwe mo seeleng.
TermDithamalakane
DefinitionDitlhamo tsa molomo tse di dirwang jaaka motshameko wa kgaisano — yo mongwe o a tlhaba, yo mongwe a rekolola.
TermMalepa
DefinitionThuto seka-motshameko e e batlileng go tshwana le dithamalakane, mme e ntshiwa e le temana e telele.
TermGo tlhaba
DefinitionGo botsa thamalakane mo motshamekong wa kgaisano.
TermGo rekolola
DefinitionGo araba thamalakane mo motshamekong wa kgaisano.
TermMolemo o fenya bosula
DefinitionMolaetsa o o tlwaelesegileng wa mainane, jaaka mo leinaneng la ga Diepe le Diepenyana.
TermDiphologolo di mothofaditswe
DefinitionPonagalo ya mainane ya go baya diphologolo mo maemong a setho — di a bua, di dira ditiro tsa setho.
TermBotsetse
DefinitionFa mme kgotsa lekgarebe ba beilwe ka fa motiketseng, ba bona setswalo lwa ntlha kgotsa ba tshotse ngwana.
TermMotsetse/Ngwale
DefinitionMosetsana yo o beilweng botsetse ka a bona setswalo lwa ntlha.
TermThupiso
DefinitionSekolo sa bogologolo se se rutang banana molao wa go nna bagolo ba motia — bogwera (basimane) le bojale (basetsana).
TermBogwera
DefinitionThupiso ya basimane, e etelelwang pele ke rathipana, balobe le makgajane.
TermBojale
DefinitionThupiso ya basetsana, e disiwang ke borradikgaratlhana, ba rutwa ke masoko.
TermLenyalo
DefinitionTshwaragano ya monna le mosadi ka fa molaong go aga lelwapa, e kayang tswelediso ya losika.
TermPatlo
DefinitionKgato ya lenyalo e boora-mosimane ba isang mafoko kwa boora-mosetsana go kopa sego sa metsi.
TermBogadi
DefinitionDikgomo tse di fiwang boora-mosadi ke boora-monna go ba lebogela; palo e farologana ka merafe.
TermMalome
DefinitionTshosoerweleng mo lenyalong le mo phitlhong — o etelela pele, o amogela bogadi, o baakanya setopo.
TermPhitlho
DefinitionTirelo e mo go yone go fitlhwang motho yo o tlhokafetseng.
TermMaswe
DefinitionDijo tsa loso, tse di neng di sa lokiwe letswai bogologolo.
TermTebelelo
DefinitionGo rapamisiwa ga moswi mo ntlong, ba losika ba mo lebeletse pele ga phitlho.
TermPopo
DefinitionGo bopa dilo ka letsopa, jaaka dinkgo le megopo.
TermTogo
DefinitionGo loga ditlatlana, ditshelo le metlhotlho ka tlhatlha kgotsa mokolwane.
TermPetlo
DefinitionGo betla dikika, ditilo tsa dikgole le megopo ka ditlhare le didirisiwa tsa tshipi.
TermTshugo
DefinitionGo suga matlalo go a nolofatsa go dira diaparo le diphate.
TermMokgako
DefinitionNkgo e e thatafaditsweng ka go besiwa mo lesosong, e e ka dirisiwang.
TermMoila
DefinitionSelo se motho a sa tshwanelang go se dira ka gonne se na le ditlamorago tse di sa siamang.
TermDitumediso
DefinitionPula-molomo fa batho ba kopana, e supang tlotlo, tekolano le lorato.
TermBopelontle
DefinitionMowa wa go thusa mongwe ka wena, tirisano-mmogo le lorato.
TermMafisa
DefinitionGo neelwa loruo go lo tlhokomela le go ithusa ka lone, mme e sa nne la gago.
TermMajako
DefinitionGo thusa yo mongwe mo tshimong, wa lebogwa ka bontlha bongwe jwa thobo.
TermMolaletsa/Letsema
DefinitionGo bitsa batho go go thusa tiro, ba lebogwa ka dijo.
TermDitele
DefinitionGo adimana tshimo, go farologana le mafisa ka gonne ga se seruiwa.
TermLelwapa le le sa atolosiwang
DefinitionRre, mme le bana ba bone fela — modi wa lelwapa mo gompienong.
TermLelwapa le le atolositsweng
DefinitionLelwapa le le akaretsang ba masika jaaka rremogolo, malome, rakgadi.
TermBadimo
DefinitionBatsadi le masika ba ba tlhokafetseng le ba ba tshelang, ba ba dumelwang go laola matshelo a batho.
TermDikgaba
DefinitionBolwetse jo bo tsenwang ke motho fa badimo ba sa itumedisiwe.
TermGo rapelela pula
DefinitionGo kopa badimo pula, go etelelwa pele ke kgosi le moroka.
TermDikgafela
DefinitionMokete morago ga thobo, go leboga badimo.
TermSekao sa morafe
DefinitionSengwe se morafe o ipitsang ka sone kgotsa se o iponatsang ka sone, jaaka puo, sereto, kapari.
TermSereto
DefinitionPhologolo/selo se morafe o se tlotlang, ga ba se je kana ba se bolaye.
TermBontsala (jwa merafe)
DefinitionKamano ya metlae fa gare ga merafe e e rileng, e e tshwaraganyang batho.
TermMoopelo
DefinitionDitlhamo tse di opelwang ka molomo, di na le mefuta e mentsi go ya ka seemo.
TermMmino
DefinitionGo bina go ya ka mokgwa o o rileng, jaaka setapa, tsutsube, phathisi, hosana.
TermMekirietso
DefinitionDipina tse di dirisiwang go didimatsa kgotsa go robatsa ngwana.
TermLeruarua
DefinitionKhutshwe e e buang ka Amogelang, ngwana yo o itaolang a bo a tlhokafala ka nako ya pelegi.
TermBoswa jwa Tlholego
DefinitionKhutshwe e e buang ka Modiri a ruta batho ba Kgomodiatla ka tshomarelo tikologo.
TermBoladu jwa Tlhagala
DefinitionKhutshwe e e buang ka Kesego, yo o kgetholwang ke batho ba motse ka bosenakitso jwa HIV/AIDS.
TermKgopo
DefinitionKhutshwe e e buang ka bana ba ga Baruti ba sotlwang ke Segolo, ba bo ba falodiwa ke Rakgotla.
TermTsalano ya ditiragalo
DefinitionKa fa tiragalo e le nngwe e bakang gore e nngwe e diragale.
TermKgonagalo le tumelesego
DefinitionFa ditiragalo tsa khutshwe e le tse mmadi a dumelang gore di ka diragala mo botshelong.
TermKgotlhang ya motho le tikologo
DefinitionMofuta wa kgotlhang o o bonalang mo go Kesego le mo go bana ba ga Baruti.
TermSetlhoa
DefinitionFa dipotso tse mmadi a neng a di ipotsa di arabega.
TermMolaetsa wa "Leruarua"
DefinitionNgwana yo o sa utlweng molao wa batsadi o utlwa wa manong.
TermMolaetsa wa "Boladu jwa Tlhagala"
DefinitionMolemo wa kgang ke go buiwa — go tlhoka kitso go tsala kgethololo.
TermMoanelwa-mogolo
DefinitionMoanelwa yo ditiragalo tsotlhe di mo diragalelang kana a di dirang mo khutshweng.
TermBaanelwa ba ba botlana
DefinitionBaanelwa ba ba se nang seabe se segolo mo khutshweng, jaaka Same le Bontle mo "Leruarua."

Bokgoni jwa Puo

1
3 marks
Farologanya fa gare ga ditaelo, dikaedi le ditlhaloso, o fa sekai sengwe le sengwe.
Model answerDitaelo di bolelela motho gore a dire eng (e.g. tsenya letswai le le lekanetseng). Dikaedi di kaela motho tsela ya go fitlha kwa lefelong (e.g. matshwao a tsela). Ditlhaloso di bolelela gore selo se dirisiwa jang kana se bereka jang (e.g. tlhaloso ya go dirisa molemo).
2
2 marks
Ke ka ntlha yang go sala ditaelo, dikaedi le ditlhaloso morago go le botlhokwa? Fa mabaka a le mabedi.
Model answerGo thibela dikotsi (le go fokotsa ketsaetsego); go somarela nako le go tshomarela sedirisiwa (mabaka mangwe a a amogelesegang).
3
2 marks
Tlhalosa gore ntlhakgolo ke eng, mme o e farologanye le dintlha tsa tlaleletso.
Model answerNtlhakgolo ke pelo/modi wa kgang — moono o o akaretsang wa temana kana palo. Dintlha tsa tlaleletso ke tse di atolosang le go tlhalosa ntlhakgolo ka botlalo, gantsi ka mabaka kana dikai.
4
2 marks
Nopola seele sa kabelelo mo go tse di latelang, o bo o naya lebaka: "Kwa Serowe go nele pula e ntsi maabane." kgotsa "Go lebega kwa Serowe go nele pula e ntsi maabane."
Model answer"Go lebega kwa Serowe go nele pula e ntsi maabane" — lefoko "go lebega" le supa gore sebui ga se na bosupi jo bo tsepameng, se abelela fela.
5
3 marks
Bolela dikarolo tse tharo tsa temana, o di tlhalose ka bokhutshwane.
Model answerSeele sa tlhogo (se se rweleng bokao jwa temana), diele tsa tsweletso (tse di tlaleletsang seele sa tlhogo ka mabaka/dikai), le seele sa konelo (se se sobokang mogopolo wa temana).
6
2 marks
Farologanya puisano le pego.
Model answerPuisano ke go amogana mafoko fa gare ga batho ba le babedi kgotsa go feta ka kgang e le nngwe. Pego ke go fetisa/rolela motho/batho mafoko ka tiragalo e o e boneng, e o e utlwileng, kana e o e badileng.
7
4 marks
Bolela dikarolo di le nne tsa pego.
Model answerSetlhogo, matseno, mmele, le bokhutlo.
8
2 marks
Ke ditsela dife tse pedi tse o ka di dirisang go tsaya dintlha ka bofefo?
Model answerGo dirisa khutshwafatso ya mafoko (ditlhaka-kemedi); go tsaya ntlha ka ntlha kana go tsaya ditlhogo (dikarabo dingwe tse di amogelesegang: go dirisa ditheibole).

Topic 2

Dikarolo tsa PuoDikarolo tsa Puo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 3

Popo ya PuoPopo ya Puo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 4

Maleme a PuoMaleme a Puo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 5

Tiriso ya PuoTiriso ya Puo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 6

Tshekatsheko ya TlhamoTshekatsheko ya Tlhamo

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 7

Le Phirimela go TlhabaLe Phirimela go Tlhaba

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 8

BoswaBoswa

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 9

PokoPoko

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 10

Tlhamo ya SetsoTlhamo ya Setso

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 11

Tsa NgwaoTsa Ngwao

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Topic 12

Dikhutshwe tsa LeruaruaDikhutshwe tsa Leruarua

There's more where that came from ✨

Subscribe and get everything, for every topic:

✅ Full notes, every topic ✅ All exam questions ✅ Flashcards & diagrams ✅ New content first
Unlock full access →

Mock Exams & Past Papers

Full Papers

Dipampiri tsa tlhatlhobo tsa makgaolakgang tse di feletseng, go akaretsa dikarabo. Dirisa tsone go ipapantsha pele ga tlhatlhobo ya nnete.

Teko 1 — Pampiri ya Ntlha Oura le sephatlo · Matshwao 40

Karolo A (Dipotso 1–15): Bala polelo ka ga toropo ya Lagos, Nigeria, o bo o tlhopha karabo e e siameng.

Temana Kwa lefatsheng la Nigeria go na le toropo nngwe e tona e e bidiwang Lagos e batho ba yone ba nnang fela ba le mo lobelong. Batho ba toropo e, ba nyenyeula gongwe le gongwe jaaka diboko. Dikoloi le tsone, o fitlhela di tlhomagane mo ditseleng, lonaka lo lelela boatleng mo e kareng ditsebe di ka kibana. Fa o sa lebe gore yo o letsang lonaka o letsa a le fa kae, o ka iphitlhela o thudilwe ke koloi. Le fa go thulanwa jaana, ga gona yo o emang gore a bone ka fa a sentseng ka teng. Motho yo o thudilweng fa e le sengwe o ka ituela ka letlhapa ka go sena se a ka se dirang.

Batho ba toropo ya Lagos ba tlwaetse go dirisa dipalamo tsa botlhe. Selo se se gakgamatsang ke gore ditlhwatlhwa tsa dipalamo tse, di laolwa ke beng ba tsone. Fa o sa kgone go duela o bolelelwa gore o ye go palama e nngwe mme e bile ga gona kwa o ngongoregang teng. Kwa Lagos sethuuthuu le sone se dirisiwa jaaka sepalamo sa botlhe. Se se tlhwaelegile ka leina la Okhanda sone se kgona go pega batho ba le bararo. Fa lo palame lo le bararo, dituelo di ya tlase mme golo mo go dira sethuuthuu se dirisiwe thata go feta dipalamo tse dingwe.

Lagos ke toropo e batho ba yone ba leng tlhaga e bile ba dirisa ditsela tse di farologaneng go itirela madi. Batho ba toropo e ba itse gore ga gona kgomo ya boroko ka jalo ba nna ba le mo mebileng ba rekisa. Marekisetso a bone a gongwe le gongwe le fa pele ga matlo a bonno tota. Ga se batho ba mabentlele a matonatona. Fela jaaka ba dipalamo tsa botlhe, ga ba bee ditlhwatlhwa tsa dilo tse ba di rekisang, ba re selo ke dipuisano. Selo se fa o sa se tlwaela, o ka fitlhela o jetswe madi. Fa o reka, morekise o ka go tsosetsa modumo, a tsatsanka dilo tse a di rekisang o bo o iphitlhele o rekile le dilo tse o neng o sa di batle.

Fa o ya teng o le moeng, o bolelelwa gore o seka wa letlelela gore ba go tlwaele gore ba tle ba tshabe go go kopa. Fa ba ka lemoga gore o moeng, ba go soka letsogo gore o ntshe sengwenyana ka ba dumela gore batho ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe la bone batla ba tshotse madi a mantsi.

Sengwe gape se se gakgamatsang ka batho, ke ka fa ba ruang ka teng. Ba leka go dirisa phatlhanyana nngwe le nngwe e ba ka e bonang. Dikgomo le dipodi tsa bone di ruelwa ka fa morago ga matlo a bone, di bo di nna di latlhelelwa matlhare a dipanana. Dipodi tsa teng di farologana le tsa Batswana, tsone di lekana le dipotsane. Fa ba bolaya kgomo kana podi ga ba e buwe, ba a e karapa jaaka merafe e mengwe ya Botswana e e karapang kolobe. Batho ba, ba karapa kgomo jaaka kolobe ka gore ba ja letlalo la yone. Letlalo ke lengwe la dijo tse ba di ratang thata e bile le a rekisiwa le mo dipalamong tsa botlhe.

Le fa go ntse jalo, go na le bontlha bongwe jwa toropo e ya Lagos kwa lotshitshing lwa lewatle kwa go nnang bahumi ba ba berekang mo dikomponeng. Matlo a bone o kare diotele le dikoloi tsa bone ke tsa manobonobo. Mo go lone lefelo le, batho ba kgobile kgetsi, ga gona tlhakatlhakano e e tshwanang le e e kwa bogareng jwa toropo e.

Motswedi: Kutlwano, Moranang 2012, kgatiso 50.
1
MCQ
Ke eng se se dirang gore fa motho a thula yo mongwe mo toropong ya Lagos a seka a ema?
  1. A. Mongwe le mongwe o a bo a lebile se a se dirang
  2. B. Go a bo go sena fa a ka emeng teng
  3. C. Go thulana ga go tsewe go le molato
  4. D. O a bo a itlhaganetse
KaraboB
2
MCQ
Beng ba dipalamo mo Lagos ga ba obamele melao ya tsela ka gore
  1. A. Ba bantsi thata
  2. B. Dikoloi di dintsi thata
  3. C. Puso ga e gatelele melao ya tsela
  4. D. Bakgweetsi ga ba itse melao sentle
KaraboA
3
MCQ
Ke eng sethuuthuu se ratega thata?
  1. A. Se bofefo go gaisa koloi
  2. B. Ga se pege batho ba bantsi
  3. C. Ga se pege dilwana tsa batho
  4. D. Se duelwa madi a a kwa tlase
KaraboD
4
MCQ
Ke eng se se dirang gore barekisi mo Lagos ba kgone go dira madi mo dilong tse ba di rekisang?
  1. A. Ba itse ditlhwatlhwa tsa dilwana tsa bone sentle
  2. B. Ga ba rekisetse mo mabentleleng a matona
  3. C. Ba itse go dirisa puo go gogela bareki
  4. D. Ga ba rekisetse ba ga bone
KaraboC
5
MCQ
Mo temaneng ya boraro mafoko selo se a raya eng?
  1. A. Tlhoka go baya ditlhatlhwa mo dilwaneng
  2. B. Nna le marekisetso gongwe le gongwe
  3. C. Tlhoka go aga mabentlele a matona
  4. D. Rekisetsa go bapa le ditsela
KaraboA
6
MCQ
Go ya ka polelo e, ke eng se se ka tswang se dira gore batho ba ruele dikgomo le dipodi mo malwapeng?
  1. A. Toropo ya Lagos e pitlagane thata
  2. B. Diruiwa tsa bone di dinnye thata
  3. C. Batho ba teng ga ba rate go rua
  4. D. Loruo la bone ga lo lontsi
KaraboA
7
MCQ
Ntlhakgolo ya temana ya botlhano ke eng?
  1. A. Go botlhokwa go nna le dipodi le dikgomo
  2. B. Loruo lo tlhokomelwa ka ditlhare tsa maungo
  3. C. Letlalo ke sejo se se rategang thata mo toropong ya Lagos
  4. D. Batho ba Lagos ba dirisa mokgwa o o sa tlwaelesegang wa go rua
KaraboD
8
MCQ
Batho ba ba nnang mo bogareng jwa toropo ya Lagos ba farologana jang le ba ba nnang mo lotshitshing lwa lewatle?
  1. A. Ba ba mo bogareng jwa toropo bontsi jwa bone ba dira mo dikomponeng
  2. B. Ba ba mo lotshitshing lwa lewatle bontsi jwa bone ba ruile dikgomo le dipodi
  3. C. Ba ba mo bogareng jwa toropo ba bereka thata go na le ba ba mo lotshitshing lwa lewatle
  4. D. Ba ba mo lotshitshing lwa lewatle ba humile go na le ba ba nnang mo bogareng jwa toropo
KaraboD
9
MCQ
Mo temaneng ya boraro, fa go twe ga gona kgomo ya boroko go tewa jang?
  1. A. Gore ga go na nako ya go itapolosa
  2. B. Gore batho ba rata go tsamaya thata
  3. C. Gore bakgweetsi ba dira madi a mantsi
  4. D. Gore ga go na nako e motho a robalang ka yone
KaraboA
10
MCQ
Go ya ka polelo e, lefoko tsatsanka le raya eng?
  1. A. Fokotsa tlhwatlhwa ya selo
  2. B. Tlhalosa mosola wa selo
  3. C. Tsosa modumo
  4. D. Bua thata
KaraboD
11
MCQ
Go ya ka polelo e, fa go twe go soka letsogo go tewa jang?
  1. A. Okisa
  2. B. Tsietsa
  3. C. Pateletsa
  4. D. Golafatsa
KaraboC
12
MCQ
Mo temaneng ya bofelo fa go twe ba kgobile kgetsi go tewa jang?
  1. A. Ba iketlile
  2. B. Ba siame thata
  3. C. Ga ba na mathata ape
  4. D. Ga go na se ba se dirang
KaraboA
13
MCQ
Ke eng se motho a ka se lemogang ka botshelo jwa toropo ya Lagos?
  1. A. Bontsi jwa batho ba yone ba na le dipalamo tsa botlhe
  2. B. Bontsi jwa batho ba yone ba na le dikgomo le dipodi
  3. C. Bana ba toropo e ga ba tsene dikolo ka ba a rekisa
  4. D. Batho ba toropo e ba tshela ka go gweba
KaraboD
14
MCQ
Ke eng se o bonang batho ba ba etelang kwa Lagos ba ka se dira fa ba sena go bala polelo e?
  1. A. Ba ka seke ba reke sepe mo Lagos
  2. B. Ba ka ya kwa Lagos ba sa tshabe sepe
  3. C. Ba ka seke ba palame dipalamo tsa botlhe mo Lagos
  4. D. Ba ka ela tlhoko ka fa ba dirisang madi ka teng mo Lagos
KaraboD
15
MCQ
Ke tlhogo efe mo go tse di latelang e e tshwanetseng polelo e?
  1. A. Bontle jwa toropo ya Lagos
  2. B. Bonatla jwa batho ba Lagos
  3. C. Botshelo jwa toropo ya Lagos
  4. D. Boferefere jwa batho ba Lagos
KaraboC

Karolo B (Dipotso 16–19): Tlhopha dikarolo tsa puo go tswa mo temaneng ya "Ikgantsheng CJSS."

Temana Modumo wa basimane le basetsana ba Ikgantsheng CJSS mo beseng, o ne o kibanya ditsebe. Ruri boitumelo senatla le barutabana ba ne ba fetogile bana ka nako eo.

Morutabana Kaelo, a tshegatshega phetelela fa a lebelela dijana tse ba di phamotseng mo metshamekong ya ditlhopha tsotlhe tsa bolotlowa.
16
MCQ
Lediri
  1. A. Ikgantsheng CJSS
  2. B. Phetelela
  3. C. Tshegatshega
  4. D. Boitumelo
KaraboC
17
MCQ
Letlhalosi
  1. A. ba di phamotseng
  2. B. ya ditlhopha
  3. C. o ne o kibanya ditsebe
  4. D. mo metshamekong
KaraboD
18
MCQ
Lerui
  1. A. mo beseng
  2. B. ba fetogile
  3. C. fa a lebelela
  4. D. wa basimane
KaraboD
19
MCQ
Leina
  1. A. beseng
  2. B. Morutabana
  3. C. Tsotlhe
  4. D. Ruri
KaraboB

Karolo C (Dipotso 20–22): Bala dipolelwana tse di numeretsweng (1–6) ka ga thuto le nyalo.

Dipolelwana (1) Fa o sa itewa seatla, ga se gantsi o ka oba letsogo. (2) Thuto ke yone konokono ya botshelo. (3) Malatsi ano ga gona gore motho ke ngwana wa ga mme. (4) Le lone leina ga le sa tlhole le bereka. (5) Bana ba basetsana le bone ba setse ba sa baya mo go reng batla nyalwa. (6) Tota le jone botshelo jwa temo thuo bo batla thutego e e rileng.
20
MCQ
Kgang ya konokono e temana e e itebagantseng le yone ke efe?
  1. A. Thuto ke yone e ka humisang motho mo botshelong.
  2. B. Nyalo ga e sa tlhole e thusa basetsana jaaka pele.
  3. C. Ditiro tsa maemo di kgonwa ke batho ba ba botlhale.
  4. D. Botshelo bo tlhoka gore motho a bo a rutegile.
KaraboD
21
MCQ
Seele sa tlhogo sa temana e, ke sa palo efe?
  1. A. 2
  2. B. 1
  3. C. 3
  4. D. 6
KaraboA
22
MCQ
Seele sa botlhano se tlatsa seele sa tlhogo ka go fa
  1. A. Tlhaloso
  2. B. Maikutlo
  3. C. Sekai
  4. D. Lebaka
KaraboC

Karolo D (Dipotso 23–26): Tlhopha dikarolo tsa seele: "Modisa o golafaditse phoko ya ga malome ka thobane."

23
MCQ
Sedirwa
  1. A. Thobane
  2. B. malome
  3. C. Modisa
  4. D. Phoko
KaraboD
24
MCQ
Tiri
  1. A. ka thobane
  2. B. yo o bodipa
  3. C. o golafaditse
  4. D. ya ga malome
KaraboC
25
MCQ
Tlhaodi
  1. A. Ka thobane
  2. B. Yo o bodipa
  3. C. O golafaditse
  4. D. Ya ga malome
KaraboD
26
MCQ
Sediri
  1. A. Malome
  2. B. Phoko
  3. C. Modisa
  4. D. Thobane
KaraboC

Karolo E (Dipotso 27–30): Bolela bokao jwa ngotlo mo dieleng tse di latelang.

27
MCQ
Ba gama kgomo e khunwana.
  1. A. Lonyatso
  2. B. Bonamagadi
  3. C. Kutlwelobotlhoko
  4. D. Lorato
KaraboB
28
MCQ
Setlhakonyana same se sentle.
  1. A. Bonamagadi
  2. B. Maemo
  3. C. Lonyatso
  4. D. Lorato
KaraboB
29
MCQ
Koloi e thudile tonkana ya rona.
  1. A. Lonyatso
  2. B. Kutlwelobotlhoko
  3. C. Bonnye
  4. D. Maemo
KaraboD
30
MCQ
Kgosana o kopile banni go phepafatsa tikologo.
  1. A. Maemo
  2. B. Lonyatso
  3. C. Bonamagadi
  4. D. Lorato
KaraboC

Karolo F (Dipotso 31–36): Mokwalo o o lolameng, matshwao a mokwalo, ditlhakakgolo, letlhalosi le lekopanyi.

31
MCQ
Tlhopha seele se se kwadilweng ka mokwalo o o amogelesegang.
  1. A. Ha ke goroga ke fa ba tshameka
  2. B. Fa ke goroga ke ha ba tshameka
  3. C. Ga ke goroga ke ga ba tshameka
  4. D. Fa ke goroga ke fa ba tshameka
KaraboA
32
MCQ
Tlhopha seele se se kwadilweng ka mokwalo o o amogelesegang.
  1. A. Setshaba se rotloediwa go itlhatlhobela mogare wa HIV.
  2. B. Setshaba se rotloediwa go ithathobela mogare wa HIV.
  3. C. Sechaba se rotoediwa go ithathobela mogare wa HIV.
  4. D. Sechaba se rotloediwa go itlhatlhobela mogare wa HIV.
KaraboD
33
MCQ
Ke seele sefe se se tsentsweng matshwao a mokwalo sentle?
  1. A. Morutabana o ne a re, "Didimalang!"
  2. B. Morutabana o ne a re, "Didimalang".
  3. C. Morutabana o ne a re, Didimalang!"
  4. D. Morutabana o ne a re, "Didimalang."
KaraboA
34
MCQ
Ke seele sefe se go dirisitsweng ditlhakakgolo sentle mo go sone?
  1. A. Boora-Tau ba obamela modimo.
  2. B. Boora-Tau ba obamela Modimo.
  3. C. Boora-tau ba obamela Modimo.
  4. D. Boora-tau ba obamela modimo.
KaraboA
35
MCQ
Tlhopha seele se mo go sone letlhalosi le sa dirisiwang sentle.
  1. A. Ba remile dikgong kgakala.
  2. B. Maabane thata lone lotswa kae?
  3. C. Ngwanake o tshameketse ruri.
  4. D. O ikagetse fa pele ga bone.
KaraboB
36
MCQ
Tlhopha seele se mo go sone lekopanyi le dirisitsweng sentle.
  1. A. O fentse ditlhatlhobo le mororo a ne a bala.
  2. B. Re mmoditse gobane ga a arabe.
  3. C. A o batla nama, boo digwapa?
  4. D. Ke go ithutile jaanong.
KaraboB

Ela tlhoko — Potso 37

Tokomane e re neng re na le yone ga e a bolokela lefoko la Potso 37 ka botlalo (go bonala e le phoso ya kopiso mo tokomaneng ya mmiriwa). Karabo e e tshwanetseng e leng A re e file mo dikarabong tsotlhe tse di kwa tlase, gore o kgone go e tshwantshanya le pampiri ya gago fa o na le yone.

Karolo G (Dipotso 38–40): Bala dipolelwana tse di latelang mme o di tlhaole go ya ka gore ke diane, maele kgotsa dithamalakane:
(i) go ja ping · (ii) modirwa ga a lebale, go lebala modiri · (iii) go isa phuduhudu bosarwa · (iv) mogwe o mo ntlong, tlhogo e kwa ntle · (v) ngwana yo o tlhogo tona o sira rraagwe · (vi) ka itaya mpipi-mpipi a tswa lebadi · (vii) e e anywang e leletse, e ruta e e mo maleng · (viii) go lala ka lebadi · (ix) koko ya poo se lela ka mogatla

38
MCQ
Diane ke dife?
  1. A. iii, v, ix
  2. B. ii, v, vii
  3. C. viii, vi, ii
  4. D. ii, vi, iii
KaraboB
39
MCQ
Maele ke afe?
  1. A. i, iii, viii
  2. B. ii, xi, v
  3. C. iii, i, vii
  4. D. xi, ii, iii
KaraboA
40
MCQ
Dithamalakane ke dife?
  1. A. i, ii, xi
  2. B. v, vi, vii
  3. C. iii, vi, iii
  4. D. iv, vi, ix
KaraboD

Dikarabo tsotlhe tsa Teko 1, Pampiri ya Ntlha

1.B · 2.A · 3.D · 4.C · 5.A · 6.A · 7.D · 8.D · 9.A · 10.D · 11.C · 12.A · 13.D · 14.D · 15.C · 16.C · 17.D · 18.D · 19.B · 20.D · 21.A · 22.C · 23.D · 24.C · 25.D · 26.C · 27.B · 28.B · 29.D · 30.C · 31.A · 32.D · 33.A · 34.A · 35.B · 36.B · 37.A · 38.B · 39.A · 40.D

Teko 1 — Pampiri ya Bobedi Oura tse pedi · Matshwao 50

Karolo ya ntlha e itebagantse le go sekaseka palo (ntsalano/kgotlhang/moanelwamogolo); karolo ya bobedi e na le leboko ("Lehuma"); karolo ya boraro e na le tshoboko ya pego (lenaneo la dituelo tsa bagodi); karolo ya bone e na le thanolo go tswa Sekgoeng go ya Setswaneng.

Palo Gaotlhobogwe

Gaotlhobogwe e ne e le mosimane wa dingwaga di le lesome le boferabobedi, morwa Rre Kgotlelelo le Mme Boineelo, ba lwapa la Manyana. O ne a rutega sentle mo sekolong sa Manyana JSS, mme batsadi ba gagwe ba mo tlhomamisetsa gore ka letsatsi lengwe o tlaa nna ngaka kgotsa moaramente wa mmuso.

Ka ngwaga o o fetileng, Gaotlhobogwe o ne a itsalanya le mosetsana yo o bidiwang Phatsimo, yo a neng a tswa Gaborone mme a etetse malomeagwe kwa Manyana ka malatsi a boikhutso. Phatsimo o ne a le montle, a bua Sekgoa sentle, mme a dira gore Gaotlhobogwe a lebale tota ka dithuto tsa gagwe. Ba ne ba kwalelana melaetsa e le mentsi, mme Phatsimo a mo kopa gore fa a fetsa dikwalo tsa Fomo 3, a tle Gaborone ba nne mmogo.

Batsadi ba ga Gaotlhobogwe ba ne ba lemoga phetogo mo mosimaneng wa bone — a sa tlhole a bala, a nna a akanya fela ka Phatsimo, a bile a ikgogomosa fa a buiwa. Rre Kgotlelelo a mo laya gangwe le gape gore a boele mo dithutong, a mo bolelela gore lorato lo lo santseng lo le losha lo ka mo senyetsa isago ya gagwe. Fela Gaotlhobogwe a sa reetse, a re batsadi ba gagwe ga ba mo tlhaloganye.

Fa dikwalo di fela, Gaotlhobogwe a ngwega bosigo, a nametsa bese ya go ya Gaborone kwantle ga go raya ope mo lwapeng. Fa a goroga, Phatsimo o ne a itshwaretse le monna yo mongwe yo o bidiwang Obi, e le morekisi wa diaparo mo mmarakeng. Phatsimo a tsietsa Gaotlhobogwe gore a nne le bone lobakanyana, mme a mo dirisa go tsamaisa dilo tsa kgwebo ya Obi kwantle ga tuelo epe.

Morago ga dikgwedi di se kae, Obi a fetoga sehihi, a itshelela Gaotlhobogwe madi a a neng a mo solofeditse, mme Phatsimo le ene a mo tlogela a tsamaya le monna yo mongwe. Gaotlhobogwe a sala a se na madi, a se na bonno, a bile a tshaba go bolelela ba lwapa gore ba mo thuse ka ntlha ya ditlhong. A tshela mo mebileng ya Gaborone ka dibeke, a batla ditiro tsa nakwana, mme a itlhokomolosa go ya dikolong tse a neng a solofeditswe go di tsenya.

Kwa bofelong, e rile a lapisitswe ke tlala le bothata, a ikutlwa a ikwatlhaela ka mafoko a ga rraagwe, a bua le mongwe wa banni ba lefelo leo yo o mo thusitseng ka madi a bese. A boela kwa Manyana, a fitlhela batsadi ba gagwe ba ntse ba mo letile ka pelotshweu, ba mo amogela kwantle ga go mo kgalema thata, mme ba mo thusa go boela mo sekolong go tswelela ka dithuto. Gaotlhobogwe a ithuta thata gore lorato lo lo sa akanyediwang lo ka senya isago ya motho, mme a boela a tswela pele ka dithuto tsa gagwe ka maikaelelo a masha.
1
10 marks
Tlhalosa se o se ithutileng mo palong e ka botlalo.
Model answerMoanelwamogolo ke Gaotlhobogwe. Kgwetlho: go itsalanya ga gagwe le sepadi Phatsimo. Kgotlhang: motho le tikologo. Ditiragalo di tsweledisa kgotlhang go tswa mo go mo aketsa ga batsadi, go ngwega go ya Gaborone, go phuaganngwa ke Phatsimo, go itshelelwa ke Obi, go felela a boela gae a sotlegile (setlhoa) a bo a ikwatlhaela go sa reetsa batsadi (phelelo/molaetsa).
2
10 marks
Tlhalosa kgotlhang e e leng teng mo palong e, o e ame ka dinako di le pedi tse di farologaneng mo ditiragalong.
Model answerKgotlhang ke ya motho le tikologo — Gaotlhobogwe o kgotlhangana le batsadi ba gagwe fa ba mo laya go tlogela Phatsimo (o gana go reetsa); morago o kgotlhangana le tikologo ya Gaborone e e mo tsieditseng, fa Phatsimo le Obi ba mo dirisa mme ba mo tlogela a se na sepe.
3
10 marks
Moanelwamogolo wa palo e ke mang? Rurifatsa karabo ya gago ka mabaka a le mararo.
Model answerKe Gaotlhobogwe — ditiragalo tsotlhe di mo diragalela; o senolela kgotlhang; o senolela setlhoa; o senolela molaetsa wa khutshwe.
4
10 marks
Bolela molaetsa o mmoki a batlang go o ruta babadi ka palo e, o o thekge ka dikai tse pedi go tswa mo palong.
Model answerMolaetsa ke gore bana ba tshwanetse go reetsa batsadi ba bone le go baya dithuto pele ga lerato. Sekai 1: Gaotlhobogwe o gana go reetsa Rre Kgotlelelo fa a mo laya, mme a lelekelela mo mathateng. Sekai 2: fa a boela gae a ikwatlhaela, batsadi ba mo amogela ka lorato, ba mo thusa go boela mo sekolong — go supa gore batsadi ba santse ba le teng go thusa fa bana ba amogela phoso ya bone.
5
10 marks
Tlhalosa ka botlalo molaetsa wa leboko "Lehuma."
Model answerSenola sebokiwa (lehuma); sedimosa maikutlo a mmoki; tlhalosa ditemana ka bongwe o dirisa dikinolo/dikapuo go netefatsa; tshwaela ka mafoko a gago kwa bofelong.
Teko 2 — Pampiri ya Boraro Oura le sephatlo · Matshwao 40

Polelo: Kwala polelo ya selekanyo sa tsebe le sephatlo ka tlhogo e e latelang: Ditlhabololo di na le seabe mo borukutlhing. (25)

Pego: O mmoni wa tiragalo e mo go yone monna a fitlhetsweng a kokobetse mo nokeng ya Tati mo Francistown. Begela basepodise o thuse ka ditlhotlhomiso. (20)

Kaedi ya go tshwaya

  • Polelo: Tlhopha letlhakore, ntsha dintlha tse di lekanyeneng, o dirise mafoko a a lebaneng le puo ya ngangisano.
  • Pego: Setlhogo se sekhutshwane; matseno a ipolele ka botlalo (leina, dingwaga, tel, lefelo); mmele o tlhalose go simologile jang, go tswelela jang, go felela jang; bokhutlo o sege mola, o kwale letsatsi le sekano.
Teko 4 — Pampiri ya Ntlha Oura le sephatlo · Matshwao 40

Pampiri e e na le karolo ya go bala temana e e latelang le go araba dipotso 1–20 (tshekatsheko ya khutshwe "Keletlhokile") ka mokgwa wa MCQ, go tswa foo dikarolo tsa puo, mokwalo, ngotlo le manatetshapuo (dipotso 21–40).

Temana Keletlhokile

Keletlhokile e ne e le mosetsana wa dingwaga di le lesome le borataro, wa lelapa la ga Rre Modiakgotla, mo motseng wa Shashe. O ne a nna a tshwenyega pelo fa a bona bakaulengwe ba gagwe ba setse ba itewa seatla ke basimane, mme ene a sa le a sa abelwa. O ne a akanya gore go raya gore ga a montle, kgotsa go na le sengwe se se phoso ka ene.

Fa ba tswa sekolo letsatsi lengwe, Phemelo, mosimane wa go dira mo tshimong ya ga rraagwe, a mo bua fa tseleng a re o kile a mo tlhoka lorato lo logolo. Keletlhokile a itumela thata, mme go tloga foo ba nna ba boelana. Lerato la bone la simolola go tsamaya sentle, ba nna ba kopana fa morago ga tshimo nako le nako. Fela dikgarebe tse dingwe tsa motse, tse di neng di eletsa Phemelo, tsa simolola go ba na le mowa o o sa siamang mo go Keletlhokile, tsa mo bona a le motlhaselwa mme di leka go mo tshosetsa gore a tlogele Phemelo.

Bosigo bongwe, Phemelo a bolelela Keletlhokile gore lelwapa la gagwe le setse le thaegile thata — batsadi ba gagwe ba lwa ka metlha mme ga go sa na tekano mo lwapeng. A mo kopa gore ba fuduge mmogo ba ye go nna kwa toropong e sele, gore a se ka a tlhola a tshela mo tlalelong e a leng mo go yone.

Le fa Keletlhokile a ne a mo rata thata, a gana go ya go nna nae. O ne a le boi go tlogela lwapa la gagwe ka a godisitswe ka melao ya Setswana e e rutang gore mosetsana ga a tshwanela go tsamaya le monna a ise a nyalwe, e bile a boifa gore fa ba sa dumelelana batsadi ba ka gagwe, seo se ka mo tlhabisa ditlhong mo motseng.

Kgang e, e ne ya feleletswa ka Phemelo a lemoga gore boineelo jwa ga Keletlhokile mo melaong ya Setswana bo le botlhokwa, mme a nna a mo emela ka bopelotelele, a leka go rarabolola mathata a lelapa la gagwe ka ditsela tse di siameng, jaaka go bua le bagolo ba lwapa.
1
MCQ
Ntlhakgolo ya temana 2 ke eng?
  1. A. Keletlhokile o jela mo go o mosweu le Phemelo.
  2. B. Nko re e rwele fela ga e dupelele.
  3. C. Lerato la ga Keletlhokile le Phemelo le tsamaya sentle.
  4. D. Keletlhokile o kwa ga mothakga o a thakgasela.
KaraboA
2
MCQ
Ke ka go reng Keletlhokile a ne a sa itewa seatla?
  1. A. O ne a tshaba sekolo.
  2. B. O ne a sa abelwa.
  3. C. O ne a tlhatlogile monyo.
  4. D. O ne a le mosesane.
KaraboB
3
MCQ
Ke eng Phemelo a ne a kopa Keletlhokile gore a fuduge ba ye go nna mmogo?
  1. A. Gore ba tle ba tshole ngwana.
  2. B. Gore a mo inyadise.
  3. C. Lelwapa le ne le setse le thaegile.
  4. D. Gore a se ka a phamolwa ke digodi.
KaraboC
4
MCQ
Ke ka go reng Keletlhokile a ne a gana go ya go nna le Phemelo?
  1. A. O ne a sa mo rate.
  2. B. O ne a le sematla.
  3. C. O ne akanya gore Phemelo o ka nna a mo sotla.
  4. D. O ne a le boi ka a godisitswe ka molao wa Setswana.
KaraboD
5
MCQ
Go ya ka wena ke eng makgarebe a rata go ngapana ka dinala fa ba lwela mosimane?
  1. A. Ba na le dinala tse ditelele thata.
  2. B. Ba batla go senyetsana bokgarebe.
  3. C. Ba rata go lwa jaaka katse.
  4. D. Ga ba itse go lwa.
KaraboB
6
MCQ
Ke eng se se neng sa dira gore dikgarebe tse dingwe di nne le mowa o o sa siamang mo go Keletlhokile?
  1. A. O ne a sa ba amogele
  2. B. O ne a sa bua nabo
  3. C. Phemelo o ne a mo tlhophile go na le bone
  4. D. O ne a na le madi a mantsi
KaraboC
7
MCQ
Fa Phemelo a bolelela Keletlhokile ka lelwapa la gagwe le le thaegileng, o ne a lebeletse gore Keletlhokile a mo dire eng?
  1. A. A mo direle madi
  2. B. A mo direle dijo
  3. C. A dumele go fuduga nae
  4. D. A bue le batsadi ba gagwe
KaraboC
8
MCQ
Ke eng Keletlhokile a neng a boifa mo go tila go dumela kopo ya ga Phemelo?
  1. A. O ne a sa mo rate
  2. B. O ne a le lesababa
  3. C. O ne a rata sekolo
  4. D. O ne a boifa go tlhabisa lelwapa la gagwe ditlhong
KaraboD
9
MCQ
Molao wa Setswana o o umakilweng mo temaneng o bua ka eng?
  1. A. Mosetsana ga a tshwanela go tsamaya le monna a ise a nyalwe
  2. B. Mosimane o tshwanetse go rua dikgomo
  3. C. Batho botlhe ba tshwanetse go tsena kereke
  4. D. Bagolo ba tshwanetse go direla bannye
KaraboA
10
MCQ
Ke bomang ba ba neng ba rarabolola mathata a lelwapa la ga Phemelo?
  1. A. Baruti
  2. B. Dipodisi
  3. C. Bagolo ba lwapa
  4. D. Barutabana
KaraboC
11
MCQ
Setlhogo se se tshwanetseng temana e ke sefe?
  1. A. Bogadi jwa dikgomo
  2. B. Lorato le boineelo mo melaong ya Setswana
  3. C. Kgang ya lwapa la ga Rre Modiakgotla
  4. D. Dipholo tsa go rekisiwa
KaraboB
12
MCQ
Lefoko "go boelana" mo temaneng le kaya eng?
  1. A. Go tlhalana
  2. B. Go nna balekane/go ratana
  3. C. Go tsamaya go boela gae
  4. D. Go lwa
KaraboB
13
MCQ
Ke eng fa e le gore Phemelo o ne a le mosimane wa tiro ya tshimo?
  1. A. Go supa gore o ne a humile
  2. B. Go supa gore o ne a le mothapiwa/modiri yo o ikanyegang
  3. C. Go supa gore o ne a sa tsena sekolo
  4. D. Go supa gore o ne a nna kgakala
KaraboB
14
MCQ
Ke eng se se supang gore Keletlhokile o ne a tlotla batsadi ba gagwe?
  1. A. O ne a ba direla dijo
  2. B. O ne a ba direla madi
  3. C. O ne a gana go fuduga a sa ba kopa tumelelo
  4. D. O ne a nna nabo ka metlha
KaraboC
15
MCQ
Go ya ka wena, Phemelo o ne a le motho yo o ntseng jang?
  1. A. Yo o pelotelele le yo o batlang tharabololo e e siameng
  2. B. Yo o pelotshetlha
  3. C. Yo o bogale
  4. D. Yo o senang boikanyego
KaraboA
16
MCQ
Ntlha e kgolo ya kgang e ke efe?
  1. A. Bahumi ba kgethiwa go na le bahumanegi
  2. B. Lenyalo ke selo se se botlhokwa thata
  3. C. Dikgomo ke letlotlo la Setswana
  4. D. Boineelo mo melaong ya setso bo ka thusa go rarabolola mathata a lorato
KaraboD
17
MCQ
Lefoko "thaegile" mo temaneng le tshwana thata le lefoko lefe le le latelang?
  1. A. Itumetse
  2. B. Nonofile
  3. C. Humile
  4. D. Senyegile/tlhokafetse kagiso
KaraboD
18
MCQ
Bakaulengwe ba ga Keletlhokile ba ne ba dirile eng pele ga ene?
  1. A. Ba ne ba tswa sekolo
  2. B. Ba ne ba setse ba itewa seatla ke basimane
  3. C. Ba ne ba nyetswe
  4. D. Ba ne ba fudugile
KaraboB
19
MCQ
Fa Keletlhokile a re o boifa go tlhabisa lelwapa la gagwe ditlhong, o ne a raya gore eng?
  1. A. O tshaba batsadi ba gagwe
  2. B. O tshaba go swa
  3. C. O tshaba dikgarebe tse dingwe
  4. D. O tshaba gore tiragalo e e ka senya seriti sa lelwapa la gagwe
KaraboD
20
MCQ
Khutshwe ya temana e e ka tewa jang ka bokhutshwane?
  1. A. Ke kgang ya kgetsi ya go itirela madi
  2. B. Ke kgang ya go rua diruiwa
  3. C. Ke kgang ya lorato le tsholofelo ya go dira tharabololo ka boineelo
  4. D. Ke kgang ya dipapadi
KaraboC

Karolo B (Dipotso 21–24): Tlhopha dikarolo tsa seele: "Rre Modiakgotla o file Keletlhokile dikgomo ka bopelotelele."

21
MCQ
Sedirwa
  1. A. Rre Modiakgotla
  2. B. dikgomo
  3. C. Keletlhokile
  4. D. ka bopelotelele
KaraboC
22
MCQ
Tiri
  1. A. ka bopelotelele
  2. B. file
  3. C. dikgomo
  4. D. Rre Modiakgotla
KaraboB
23
MCQ
Tlhaodi
  1. A. file
  2. B. dikgomo
  3. C. ka bopelotelele
  4. D. Rre Modiakgotla
KaraboC
24
MCQ
Sediri
  1. A. dikgomo
  2. B. Rre Modiakgotla
  3. C. file
  4. D. ka bopelotelele
KaraboB

Karolo C (Dipotso 25–28): Bolela bokao jwa ngotlo mo dieleng tse di latelang.

25
MCQ
Kgosi e ntshitse taolo mo diatleng tsa banna ba bagolwane.
  1. A. Lonyatso
  2. B. Bonamagadi
  3. C. Kutlwelobotlhoko
  4. D. Maemo
KaraboD
26
MCQ
Bommago-bana ba tlhokomela bana ba ba se nang bommaabo.
  1. A. Lonyatso
  2. B. Bonamagadi
  3. C. Maemo
  4. D. Kutlwelobotlhoko
KaraboD
27
MCQ
Mmangwana o dutse a apeela ngwana wa gagwe fela, a lebala ba bangwe.
  1. A. Lonyatso
  2. B. Bonamagadi
  3. C. Kutlwelobotlhoko
  4. D. Maemo
KaraboB
28
MCQ
O ile a bua ka tsela e e sa tlotlang mogolwane wa gagwe.
  1. A. Bonamagadi
  2. B. Maemo
  3. C. Lonyatso
  4. D. Kutlwelobotlhoko
KaraboC

Karolo D (Dipotso 29–36): Mokwalo o o lolameng, matshwao a mokwalo, ditlhakakgolo, letlhalosi le lekopanyi.

29
MCQ
Tlhopha seele se se kwadilweng ka mokwalo o o amogelesegang.
  1. A. Ha ke fitlha ke bona ba tsamaya.
  2. B. Fa ke fitlha ke ha bona ba tsamaya.
  3. C. Ga ke fitlha ke ga bona ba tsamaya.
  4. D. Fa ke fitlha ke fa bona ba tsamaya.
KaraboD
30
MCQ
Ke seele sefe se matshwao a mokwalo a dirisitsweng sentle mo go sone?
  1. A. Keletlhokile, Phemelo le Kagiso ba ne ba tsamaya mmogo.
  2. B. Keletlhokile Phemelo, le Kagiso ba ne ba tsamaya mmogo.
  3. C. Keletlhokile, Phemelo, le Kagiso ba ne ba tsamaya mmogo.
  4. D. Keletlhokile Phemelo le, Kagiso ba ne ba tsamaya mmogo.
KaraboC
31
MCQ
Ke seele sefe se go dirisitsweng ditlhakakgolo sentle mo go sone?
  1. A. Batho ba kwa Shashe ba obamela Modimo.
  2. B. Batho ba kwa shashe ba obamela modimo.
  3. C. batho ba kwa Shashe ba obamela Modimo.
  4. D. Batho ba kwa Shashe ba obamela modimo.
KaraboA
32
MCQ
Tlhopha seele se mo go sone letlhalosi le sa dirisiwang sentle.
  1. A. Ba remile dikgong kgakala.
  2. B. Maabane thata lone lotswa kae?
  3. C. Ngwanake o tshameketse ruri.
  4. D. O ikagetse fa pele ga bone.
KaraboB
33
MCQ
Tlhopha seele se mo go sone lekopanyi le dirisitsweng sentle.
  1. A. Keletlhokile o ne a rata Phemelo mme le fa go ntse jalo, a gana go tsamaya nae.
  2. B. Re mo boditse gobane o ne a sa arabe.
  3. C. A o batla dijo, boo digwapa?
  4. D. Ke go ithutile jaanong.
KaraboA
34
MCQ
Tlhopha seele se mafoko a dumalanang sentle ka palo (bongwe/bontsi).
  1. A. Basimane o tsamaya kwa tshimong.
  2. B. Mosimane ba tsamaya kwa tshimong.
  3. C. Basimane e tsamaya kwa tshimong.
  4. D. Basimane ba tsamaya kwa tshimong.
KaraboD
35
MCQ
Tlhopha lediri mo seeleng: "Keletlhokile o ne a bua ka bonako mo tseleng."
  1. A. Keletlhokile
  2. B. ka bonako
  3. C. bua
  4. D. mo tseleng
KaraboC
36
MCQ
Tlhopha leina mo seeleng: "Phemelo o file Keletlhokile dikgomo tse dintle."
  1. A. file
  2. B. Keletlhokile
  3. C. o
  4. D. tse dintle
KaraboB

Karolo E (Dipotso 37–40): Bolela bokao jwa mafoko a a tlhamaletsweng go tswa mo temaneng.

37
MCQ
Lefoko "go itewa seatla" mo temaneng le kaya eng?
  1. A. Go direla motho tiro
  2. B. Go tshwara motho ka thata
  3. C. Go kopiwa lenyalo/go ikopelwa
  4. D. Go opa diatla
KaraboC
38
MCQ
Lefoko "go phamolwa" mo temaneng le kaya eng?
  1. A. Go tsamaya ka bonako
  2. B. Go direla thata
  3. C. Go tsewa/go gapelwa ke motho yo mongwe
  4. D. Go opela
KaraboC
39
MCQ
Lefoko "go thaega" (lelwapa le thaegile) le kaya eng?
  1. A. Go senyega/go se na kagiso
  2. B. Go nna botoka
  3. C. Go humisega
  4. D. Go aga sesha
KaraboA
40
MCQ
Lefoko "boineelo" le kaya eng?
  1. A. Go itlhaganela
  2. B. Go ineela/go tlhompha melao le ditso
  3. C. Go itshasa
  4. D. Go itlhopha
KaraboB

Dikarabo tsotlhe tsa Teko 4, Pampiri ya Ntlha

1.A · 2.B · 3.C · 4.D · 5.B · 6.C · 7.C · 8.D · 9.A · 10.C · 11.B · 12.B · 13.B · 14.C · 15.A · 16.D · 17.D · 18.B · 19.D · 20.C · 21.C · 22.B · 23.C · 24.B · 25.D · 26.D · 27.B · 28.C · 29.D · 30.C · 31.A · 32.B · 33.A · 34.D · 35.C · 36.B · 37.C · 38.C · 39.A · 40.B

Teko 5 — Pampiri ya Bobedi Oura tse pedi · Matshwao 50

Karolo ya ntlha e na le palo "Le Phirimela go Tlhaba" (Keletso); karolo ya bobedi e na le leboko "Lenyalo"; karolo ya boraro e na le tshoboko ya pego ka dikgafela kwa Moshupa; karolo ya bone e na le thanolo go tswa Sekgoeng.

1
Karolo ya ntlha
A ditiragalo tsa padi e di a kgonagala kgotsa ga di kgonagale, nonotsha karabo ya gago ka dikai tse di maleba go tswa mo palong.
Model answerEe, ditiragalo di a dumelesega — jaaka ngwana yo o kgonang go gola a sa itse rraagwe, motho yo o tlogelang sekole a imile mme a boele go tsweledisa dithuto, kgotsa motsadi yo o godisang ngwana ka tshotlego mme morago a tshidisiwe.
3
Karolo ya ntlha
Sekaseka ka botlalo thulaganyo ya ditiragalo tsa palo e, o simolole ka go supa kgwetlho, o ame kgotlhang, setlhoa le mafologelo.
Model answerKgwetlho: go ima ga ga Keletso. Kgotlhang: motho le tikologo. Setlhoa/phelelo: Keletso o bereka tiro ya maemo. Mafologelo: o tlhokomela mmaagwe, o a nyalwa, o tshela sentle le ba lwapa la gagwe.
Teko 6 — Pampiri ya Boraro Oura le metsotso e masome le botlhano · Matshwao 45

Potso 1 — Polelo: Kwala polelo ya ngangisano ka tlhogo e e latelang: Maranyane a sešwa a tlisitse bosula go na le bomolemo. (25)

Potso 2 — Puisobatho: O mookamedi wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho, buisa phuthego kwa Masunga o tlhalose botlhokwa jwa go tlhopha. (20)

Kaedi ya go tshwaya

  • Ngangisano: Tlhopha letlhakore fa tshimologong ("Ke dumalana..." kgotsa "Ke ganetsa...") mme o se ka wa tlolela kwa letlhakoreng le lengwe.
  • Puisobatho: Setlhogo, matseno (leboga, ikitsise, dumedisa batsenelela phuthego ka maemo), mmele (dintlha tse di lekanyeneng), bokhutlo (rotloetsa, leboga, laela).
Ithutuntsho ya Sekgao (Kgaolo 9, Teko 4) Matshwao 50

Pampiri e e itebagantseng le go sekaseka khutshwe ka mokgwa wa MCQ, e akaretsa diane, maele, dithamalakane, meila, botsetse, thupiso, kobamelo le sekao sa merafe — e le tokomane ya go boeletsa dithuto tsa ngwao pele ga tlhatlhobo ya makgaolakgang.

Dipolelwana (Dipotso 1–3) a. Sebodu sa nko se latsa le tlala
b. Sa re nyedi sa re tse!
c. Go lala ka ntho madi a tshologa
d. Ka lapa a sala
e. Malanyana teng a na le melelwane
f. Go ja tlhogo
g. Se a tampatampa se go tsalela fale
h. Go ya lejwa
1
MCQ
Diane ke tsa dipalo dife?
  1. A. a,b,c
  2. B. a,c,e
  3. C. e,f,g
  4. D. b,d,e
KaraboA
2
MCQ
Maele ke a dipalo dife?
  1. A. e,f,g
  2. B. a,c,d
  3. C. d,f,h
  4. D. c,f,h
KaraboD
3
MCQ
Dithamalakane ke tsa dipalo dife?
  1. A. b,d,g
  2. B. a,b,e
  3. C. e,f,g
  4. D. c,d,e
KaraboA
4
MCQ
Mosetsana fa e le lwa ntlha a bona setswalo go a tswe o a
  1. A. tlolaganngwa
  2. B. gola
  3. C. rafola
  4. D. lwala
KaraboC
Palo (Dipotso 5–12) Mmaagwe o ne a mo gakolola go nna podimatseba kwa sekolong. Moitshoki o ne a mo reetsa ka tsoo-pedi a bo a utlwa thata gore a re a ele tlhoko bomenomasweu ka ba ka mo wetsa ka lemena. O ne a reeditse mmaagwe ka kelotlhoko a eta a a ja tlhogo a ipotsa gore madi a sepalamo one o ya go a bona kae. Fa ba ntse ba tsweletse a tlaleletsa mafoko a ga mmaagwe ka gore tota o ya go itoma sanngate. Mmaagwe a itumela a lemoga fa a o epile mosele wa pula mme ebile go lebega mosimane a tla se kitla a nna tlhogo tona.
5
MCQ
Go nna podimatseba
  1. A. go nna tlhaga
  2. B. go nna o ipaakantse
  3. C. go nna kelotlhoko
  4. D. go nna le kitso
KaraboC
6
MCQ
Bomenomasweu
  1. A. ba ba tshegang le motho mme e le babolai
  2. B. ba ba ratang go tshameka ba dia ba bangwe
  3. C. ba ba go tshegisang mme e bile ba go rata
  4. D. ba ba ratang go tshega thata ba sa tlhwaafala
KaraboA
7
MCQ
Ba ka mo wetsa ka lemena
  1. A. ba ka mo digela mo mosimeng
  2. B. ba ka mo tsietsa a sa lemoge
  3. C. ba ka mo timetsa
  4. D. ba ka mo fa tsela ya nnete
KaraboC
8
MCQ
A ja tlhogo
  1. A. a akanya thata
  2. B. a akanya go bua
  3. C. a akanyetsa sengwe
  4. D. a akanyetsa kwa tseng
KaraboA
9
MCQ
Go itoma sanngate
  1. A. go tlhwaafala
  2. B. go ithuta thata
  3. C. go sa tshameka
  4. D. go ikitsa tse di diang
KaraboB
10
MCQ
Fa o epile mosele wa pula
  1. A. fa a ipaakantse sentle
  2. B. fa a baakantse tsela ya ngwana
  3. C. fa a baakantse ngwana wa gagwe go sa le nako
  4. D. fa a thusitse ngwana wa gagwe
KaraboC
11
MCQ
A nna tlhogo tona
  1. A. a gola thata
  2. B. a nna le kitso
  3. C. a nna moeteledipele
  4. D. a tlhoka maitseo
KaraboD
12
MCQ
Mo lwapeng, tiro ya ga mme ke go
  1. A. gakolola rre
  2. B. bua le rre
  3. C. bapalela rre
  4. D. sireletsa rre
KaraboA
13
MCQ
Supa se e leng moila wa lelwapa mo go tse di latelang:
  1. A. mosetsana yo o ithalegang ga a je ka letsogo
  2. B. metsi ga a tsene mo lwapeng bosigo
  3. C. Moswelwa ga a ralale loruo
  4. D. dijo tsa loso ga di pakiwe
KaraboB
14
MCQ
Supa se e leng moila wa lelwapa mo go tse di latelang:
  1. A. letswai ga le kopiwe bosigo
  2. B. motsetse ga a je ka letsogo
  3. C. borre ba ba sa nyalang ga ba je nama ya mokoto
  4. D. dijo tsa loso ga di lokiwe letswai
KaraboA
15
MCQ
Mo setswaneng bogadi ke
  1. A. dikgomo tsa lonyalo
  2. B. tebogo go boora mosetsana
  3. C. tuelo go boora mosetsana
  4. D. dikgomo tse di ntshediwang bana
KaraboB
16
MCQ
Ngaka ya pula e bidiwa:
  1. A. moroka
  2. B. reabaitse
  3. C. nkadilatlha
  4. D. modimo
KaraboA
17
MCQ
E ne e re fa motho a sa tsamaelwe ke botshelo sentle go bo go twe:
  1. A. o na le bopelompe
  2. B. o na le dikgaba
  3. C. o na le bokoa
  4. D. o na le botlhoki
KaraboB
18
MCQ
Supa tsamaiso nngwe ya thupiso e e ka bayang batho mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS
  1. A. go dirisa thipa e le nngwe go rupisa magwane
  2. B. go jela mo sejaneng se le sengwe ga magwane
  3. C. go betsana ka dithupa ga magwane
  4. D. go robala mo dikobong dile dingwe ga magwane
KaraboA
19
MCQ
Ke eng se se dirileng gore merafe ya Batswana e kitlane e nne ngata e le nngwe?
  1. A. Go nyalelana ga merafe e e farologaneng
  2. B. Go bua puo e le nngwe lefatshe ka bophara
  3. C. Go nna le seabe sa go tlhopha puso ya lefatshe
  4. D. Go nna le dikgosi tse di tlholegang mo merafeng eo
KaraboA
20
MCQ
Batswana ba ne ba dumela mo badimong gonne ba ne ba dumela gore
  1. A. badimo ba tlisa dijo mo lefatsheng
  2. B. badimo ba laola metsamao ya batho
  3. C. badimo ba thusa Batswana fa ba le mo mathateng
  4. D. badimo ba na le kamano le batho ba ba sa ntseng ba tshela
KaraboD
21
MCQ
Ke eng mo go tse di latelang se se supang gore ngwao ya go bopa dinkgo e fetogile?
  1. A. Go gweba ka tsone
  2. B. Go ipelafatsa ka tsone
  3. C. Go itlosa bodutu
  4. D. Go abelana thuto ka tsone
KaraboA
22
MCQ
Ke ntlha efe e e sa supeng mosola wa pina kgotsa leboko mo ngwaong ya Setswana
  1. A. Go galeletsa
  2. B. Go gakolola
  3. C. Go kgala
  4. D. Go sotla
KaraboD
23
MCQ
Ditiro tsa diatla di akaretsa
  1. A. Go sila
  2. B. Go bopa
  3. C. Go sidila
  4. D. Go lema
KaraboB
24
MCQ
Mo go tse di latelang ke eng se se dirwang ka go betla
  1. A. Sepora
  2. B. Sejana
  3. C. Setlatla
  4. D. Makgabe
KaraboA
25
MCQ
Madume a mosola ka gore
  1. A. A supa ngwao
  2. B. a supa go itsana
  3. C. A supa tlotlo
  4. D. A supa gore motho ke wa morafe ofe
KaraboC
26
MCQ
Mosetsana fa e le lwa ntlha a bona setswalo go a twe
  1. A. o a ithalega
  2. B. o a gola
  3. C. o a tlhalefa
  4. D. o nna mosadi
KaraboA
27
MCQ
Thupiso e fetogile ka gore
  1. A. ga e tlotlwe
  2. B. e dirwa thata
  3. C. batho bangwe ba re ke thuto ya segologolo
  4. D. e timetsa batho
KaraboC
28
MCQ
Batswana ba ne ba tlotlile go obamela
  1. A. baswi
  2. B. badimo
  3. C. bagolo
  4. D. dingaka tsa setso
KaraboB
29
MCQ
Mosadi yo o nyetsweng o bidiwa eng ke bomatsalaagwe?
  1. A. ngwetsi
  2. B. betsi
  3. C. monyadiwa
  4. D. monyadi
KaraboA
30
MCQ
Monna yo o nyetseng ke
  1. A. mogwe
  2. B. mogwegadi
  3. C. ngwetsi
  4. D. matsale
KaraboA
31
MCQ
Dikgomo tse di neelwang boorramosadi fa a nyalwa di bidiwa tsa
  1. A. bogadi
  2. B. mokwele
  3. C. lonyalo
  4. D. tlhagela
KaraboA
32
MCQ
Merafe ya Batswana e farologanngwa ke
  1. A. mafelo
  2. B. mmala
  3. C. dipopego
  4. D. direto
KaraboD
33
MCQ
Se e leng sekao sa morafe mo go tse di latelang ke
  1. A. leboko
  2. B. boitsholo
  3. C. kgodiso-bana
  4. D. ditirelo
KaraboA
34
MCQ
Ke eng se e leng mosola wa lelwapa fa?
  1. A. le berekisa bana
  2. B. fa bana molao
  3. C. le kopanya masika
  4. D. le nna le dithoto
KaraboB
35
MCQ
Supa se e leng phetogo ya lelwapa
  1. A. ga se malwapa otlhe a tlhogo e leng rre
  2. B. lelwapa le godisa bana sentle
  3. C. lelwapa le rotloetsa tirisano-mmogo
  4. D. lelwapa le neela banni ba lone tshireletsego
KaraboA
36
MCQ
Supa se e leng lenaneo le le ka fang basha bogakolodi mo nyalong
  1. A. lephata la Boipelego
  2. B. lephata la banana
  3. C. lephata la thuto
  4. D. mokgatlho wa baopedi
KaraboA
37
MCQ
Ke efe tsela mo go tse di latelang e e supang tlontlololo kana kgatelelo ya bomme mo phitlhong
  1. A. go roula
  2. B. go paka dijo tsa loso
  3. C. go ntsha diaparo tsa moswi
  4. D. go apaya dijo tsa loso
KaraboA
38
MCQ
Seane se se amanang le lonyalo mo go tse latelang ke sefe?
  1. A. manong a ja ka losika
  2. B. maoto a nong ke phofa
  3. C. mogwe lekaba ga a tsofale
  4. D. malanyana teng a na le melelwane
KaraboC
39
MCQ
Ke efe tsela e e ka rotloetsang kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo ditirelong tsa thupiso?
  1. A. go apara kobo e le nngwe ga magwane
  2. B. go jela ka mogopo o le mongwe ga magwane
  3. C. go segwa ka thipa e le nngwe ga magwane
  4. D. go tshameka mmogo ga magwane
KaraboC
40
MCQ
Meila ya Setswana e ne e le mosola ka gore
  1. A. e ne e dibela mo diphatseng
  2. B. e ne e fa batho kitso
  3. C. e ne e tlosa bodutu
  4. D. e ne e rotloetsa
KaraboA

Dikarabo tsotlhe

1.A · 2.D · 3.A · 4.C · 5.C · 6.A · 7.C · 8.A · 9.B · 10.C · 11.D · 12.A · 13.B · 14.A · 15.B · 16.A · 17.B · 18.A · 19.A · 20.D · 21.A · 22.D · 23.B · 24.A · 25.C · 26.A · 27.C · 28.B · 29.A · 30.A · 31.A · 32.D · 33.A · 34.B · 35.A · 36.A · 37.A · 38.C · 39.C · 40.A